Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Fa nkabo ke na le melomo

  1. Fa nkabo ke na le melomo
    e mentsi e e sa balweng,
    foo nkabo ke opella ruri
    difela tse di obakang,
    Modimo o o nthatileng
    ka ntlha ‘ tse o di ntiretseng.
  2. Lona ditlhare ka dikala,
    opang diatla, opelang!
    Majang a naga a matala,
    dišeše tse di mo nageng,
    tsogang lo nthuse mo pakong,
    re tlotle Rara ‘godimong!

3.Modimo Rara, kea go baka,
ka o ntse o le yo ‘ nthatang,
ka o nthusitse ka dipaka
tse tsotlhe mo dipogisong;
o intshwaretse mo pelong,
ka ke ne ke le molatong.

  1. Le wena ke a go leboga,
    Modimo Morwa yo ‘ ntshwetseng.
    Ka madi a ‘go go phimoga
    melato ya ka e ‘ ntshentseng.
    Ke gone Satan a tlhokang,
    ka fa a ka ntatofatsang.

  2. Le wena Mowa wa pholoso,
    re go leboga mo kerkeng;
    o re gomotsa ka mafoko
    a Beibel a a tshedisang.
    Re bileditswe tumelong,
    re tle re fitlhe botshelong.

  3. Ke bonye thuso mo go wena
    ka metlha yotlhe bophelong.
    Ka nnete, Kgosi, o mphemela
    ka thata yotlhe botlhokong;
    o ntisa le mo dipakeng,
    mogang ke leng pharagobeng.

  4. Ke tla tswelela goM itumela,
    le fa ke boga botlhokong.
    E bile ke go opelela
    difela ke le tlalelong;
    ka gonne mo matshwenyegong
    ke itshwarella Modimong.

  5. Ka pelo ke tla IebogeIa
    tlamelo ya ‘go lefatsheng.
    E bile ke go opelela
    ka ntlha ya tse o di mphileng.
    Mme fa ke pallwa mo losong,
    ke tla go baka phegelong.

  6. A ko ‘ se nnyatse, Kgosi ya me,
    fa ke go baka bokoeng.
    Ke tla go baka ka botlalo,
    fa ke le kwa baengeleng.
    Ke tla nna yo o opelang
    dipako tse di go kgatlhang

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

A

Fa nkabo ke na le melomo