Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

O se diege sokologa

  1. O se diege, sokologa,
    akofa o ye phologong!
    Kajeno Mowa o go goga
    ka lentswe le le mo ‘Kwalong.
    Se nyatse lentswe le le reng:
    Tlhabologang, tswang mo dibeng!

  2. Malatsi a ‘go a tla fela
    ka loso lo lo go tsomang.
    Morago o ya go atlholwa
    ke Jesu Kriste yo o tlang.
    Ka motlha o o tla dirang?
    Tshaba bogale jo bo tlang!

  3. Fa dibe o sa di tlhabantshe,
    di tla ntsifala botshelong.
    Ke ‘noga tse di tsalang bana,
    ke tse di tla go bolayang.
    O di tsogele kgatlhanong,
    go di bolaya mo pelong.

  4. Kajeno go sa le sebaka,
    ao, tlhabologa, yo ‘ sentseng!
    O se diege, tsaya tšhaka,
    o reme Satan yo ‘ tshwenyang,
    mme utlwa Jesu yo ‘ bitsang,
    yo o ka go falodisang.

  5. O se re, ke tla tlhabologa
    isago, mme e seng jaanong.
    Ka yona puo e o loga
    leano le ‘ tsenyang mollong.
    Isago o ka nna losong,
    wa tsena fela mo petsong.

  6. Mme batla thuso go Morena,
    o gaMufi nao Lefokong.
    Mo utlwe, o rapele ena,
    o tla go golla molatong.
    O se diege maleong,
    mme tswaa o tsene phologong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

O se diege sokologa