-
Ka batho ba ya tenegong,
ba wela moleteng;
ke boMifa thata mo pelong,
go ya le bona teng. -
Morena yo o rategang,
o mpotsa Lokwalong:
A o tla etsa ba ba yang
go tsena tenegong? -
Ao Jesu yo o rategang,
o nkutlwe thapelong,
ke tshabe ba ba tenegang,
mphemele thaelong! -
Ga ke na thata mo pelong,
botlhale ga bo teng;
fa ke sa tswelle thapelong,
ke tla ya moleteng. -
Ga go na ope lefatsheng
le kwa legodimong,
yo o ka mphenyisang mo ntweng,
fa e se Jesu, Mong. -
Fa o mphemela mo tseIeng
e ke e sepelang,
le go nnonotsha mo moweng,
ke tla nna yo ‘ fenyang.
Ka batho ba ya tenegong
