-
Modimo Rra,
goM imetswe nna
ke dibe tsa me tsotlhe!
Yo ‘ nkimollang
ke mmona kae
lefatsheng leno lotlhe? -
Ke tshabelang
‘felafeleng
dintlheng tsa ‘fatshe lotlhe?
Nka bona mang
yo ‘ ka nthusang
gore ke itshwarelwe? -
Ke Ieba mang,
ke ka dirang,
fa e se go rapela?
Ke tla ya kae
le kwa go mang?
Ke tla ya kwa go Ntate. -
Mono ‘fatsheng
o mpetse teng,
fa go batlega jalo.
Mme bofelong,
teng mo tshekong
a ko o nthekegele! -
Mo lefatsheng
ntirele teng
ka fa thatong ya gago;
mme bofelong,
bosakhutleng
se kgaogane le nna! -
Mo tlalelong
le sefakong
‘nonyane di tshabela
kwa ditlhareng
le dikgageng,
di batla tshireletso. -
Le nna ke yo
o tshabelang
go Jesu go femelwa;
yo o ntshwetseng,
yo ‘ ntsogetseng
o tla mpha boitshwarelo.
Modimo Rra
