-
Morena, o se mpetse,
yo ke leofileng!
Fa nka ikanya batho,
ke yo ‘ latlhegileng.
Morena, intshwarele
tse ke di dirileng!
O nthuse, ke se swele
dibeng, yo ke sentseng. -
Morena, o mphodise
bolwetse marapong;
ka gonne bo nkutlwisa
botlhoko mo pelong.
Marapo aa remega,
ke yo o boifang,
mme pelo e nyemile:
O tlaM intshwarela leng? -
Ee, ke nyemile moko
ka ntlhaM a phegelo e.
Ke tlhoka le boroko,
ke lora dibe tse.
Ke tshela ‘kobo tsa me
‘keledi bosigong;
le mmele otlhe wa me
o mo khutsafalong. -
Hee! basiamolodi,
tlogang fa, lo nteseng!
Ke bonye Mogolodi,
o nthusa mo moweng.
Jehofa o utlwile
dilelo thapelong;
‘keledi di kgadile,
ke boitumelong. -
A go tlotliwe gona
kwa godimodimong
Rara le Morwaa-ona
le Mowa boitshepong!
Jaanong ka ke sa phela,
Ie ka bosakhutleng
ke tla nna ke opela
dipako difeleng.
Morena o se mpetse
