-
Rara, Rara, intshwarele,
dibe o se di mpeletse;
fa o rata go ntirela
ka tshiamo, ke tla nyella. -
Ga go bonwe motho ope,
yo ‘ se nang boleo bope;
rotlhe re basenyi fela,
re tshwanetse go nyelela. -
Ka ke tsetswe ka makoa,
ke paletswe ke go boa.
Ke molato, kea rapela,
Rara, a ko ‘ intshwarele! -
Rara, kea go obamela,
ke Ilisiwa ke maleo
jaaka Petrus, ke rapela
gore o se ka wa ntatlha. -
KeM itigela fa go wena
jaaka ene Magtalena.
Dikeledi dia tshologa,
Rra, o se ka wa ntlhoboga! -
Ee, jaanong oa intshwarela,
mme ka Jesu ke tla phela.
Khutsafalo e ntlogetse.
Jaanong ke a itumela!
Rara Rara intshwarele
