Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (5 rating, 1 votes)
Loading...

Ke motho wa maleo fela

  1. Ke motho wa maleo fela,
    nka leba jang legodimong!
    Modimo wa me, o nkutlwele
    botlhoko, yo ke maleong.
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng.

  2. Ke yo ke boifang gagolo,
    ke wetse gotlhe mo dibeng.
    Molato wa me o mogolo,
    o nkgateletse leroleng.
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng.

  3. Modimo Rara, a ko ‘ nkutlwe,
    fa ke go bitsa thapelong;
    tatlhego ya me a e khutle,
    o nthuse, ke tswe maleong!
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng.

  4. Ke go biditse ka boleele,
    a ga o nkutlwe botlhokong?
    O nthuse, ke se tlhaeletse
    lefela kwa Iegodimong!
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng.

  5. Ka nnete, ke mofosatsela,
    ga go na yo o ka nthusang,
    fa e se wena, wena fela,
    ke ka moo ke go rapelang:
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng.

  6. Modimo wa me, se mpusetse
    ka fa ke dirileng ka teng.
    Modimo Rara, nthekegele,
    o ntsenye gape bongwaneng.
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng.

  7. O bue ka molomo fela
    Iefoko la ‘ go le le reng:
    Ngwanaka, kea go itshwarela,
    se wele gape mo dibeng!
    O se nkatlhole bogaleng,
    o intshwarele mo Kristeng!

  8. Jaanong ke a go galaletsa,
    ka o le yo o nkutlwileng.
    Tumelo ya me e tlhomame,
    ke gomotsega mo pelong:
    Ga oMa nkatlhola bogaleng,
    o intshwaretse mo Kristeng.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Ke motho wa maleo fela