-
Modimo wa me ke wa lorato,
o a mpholosa, ke o nthatang.
Ke gona ke buang: Modimo wa me
ke wa lorato, ke o nthatang. -
Ke ne ke sule loso lwa dibe,
Jesu a rongwa, mme a nntsha teng.
Ke gona ke buang: Modimo wa me
ke wa lorato, ke o nthatang. -
Jesu Morena, Monamoledi,
a tlosa dibe sefapaanong.
Ke gona ke buang: Modimo wa me
ke wa lorato, ke o nthatang. -
O nnaya boswa jwa legodimo,
o tla nkgorosa kwa boMikhutsong.
Ke gona ke buang: Modimo wa me
ke wa lorato, ke o nthatang. -
Ke a go baka, Modimo wa me,
ke a go tlotlabosakhutleng.
Ke gona ke buang: Modimo wame
ke wa lorato, ke o nthatang.
Modimo wa me ke wa lorato
