Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Go atametse Kgosi

  1. Go atametse Kgosi,
    tlaang re e kgatlhantsheng!
    Ke yona Mopholosi
    wa ba ba lefatsheng.
    Bakriste, opellang
    Morena Hosiana,
    lo khubamele ena,
    lo bake yo o tlang!

  2. Ee, lona babobodi,
    tlaang lo itumeleng!
    Go tlile Mogolodi,
    yo o lo ntshang dibeng;
    lo mo amogeleng,
    o tsile ka dineo,
    o naya boitshwarelo
    ba ba latlhegileng.

  3. Lo nanogeng, batlhoki,
    mme lo se boifeng;
    ka re na le Mmoloki,
    go ka nna kotsi jang?
    Re ka tswa tlalelong,
    o a re tshegofatsa,
    o bile o gomotsa,
    o re ntsha mo losong.

  4. Tlaang, lona balatlhegi,
    tlaang lo ikwatlhaeng!
    Le lona batenegi,
    boang, lo se tseneng
    losong le moleteng!
    Tlaang tlhe, lo a bidiwa,
    mme lotlhe lo tla fiwa
    boitshwarelo teng.

  5. Mme fa re latlhegelwa
    ke dilo lefatsheng,
    ka ene re tla newa
    tse di sa senyegeng.
    Mong yo o phedisang
    ka dijo batho botlhe
    le tse di phelang tsotlhe,
    ga se yo ‘ lebalang.

  6. Tlaang lotlhe, tsholang Kgosi;
    tlaang itlhaganeleng!
    Lo se ka Iwa mo gana
    yo o lapolosang!
    Ao, lo diegetseng?
    Morena wa bonolo
    o tsisa thekololo
    go ba ba mo dibeng.

Leave a Reply

Go atametse Kgosi